Jump to content

Wq/tn/Fatema Mernissi

From Wikimedia Incubator
< Wq | tn
Wq > tn > Fatema Mernissi

Fatema Mernissi

[edit | edit source]
Fatema Mernissi - segnalibro SheSaid

Fatema Mernissi (Arabic: فاطمة مرنيسي, romanized: Fāṭima Marnīsī; O tshotswe ka kgwedi ya Lwetse e tlhola malatsi a masome a mabedi le bosupa ka ngwaga wa 1940 mme o tlhokafetse ka kgwedi ya Ngwanaatsele a tlhola masome a mararo ka ngwaga wa 2015.) e ne e le Mokwadi wa basadi wa le moithutaloago wa lefatshe go tswa kwa lefatsheng la Morocco.

Dikinolo

[edit | edit source]

https://en.wikipedia.org/wiki/Dreams_of_Trespass(1994)

  • "Go tlhoka tsholofelo ke manobonobo a batho ba ba nang le maatla."
  • "Mme fa seemo sa gago se se na tsholofelo, se o ka se dirang fela ke go fetola lefatshe, go le fetola go ya ka dikeletso tsa gago, le go tlhama sesha."
  • "Go na le ditsela tse dintsi tsa go nna montle. Go lwa, go rogana le go itlhokomolosa ngwao go ne go ka dira gore mosadi a se ka a kgona go emelana le ene."
  • "O ne a tla mo isa kwa dinageng tse di kgakala go ya go ela tlhoko ditsela tsa batswakwa, gore a kgone go atamela selo se se sa tlwaelegang se se mo teng ga gagwe."
  • "Ke ne ka botsa Mina gore ke tla itse jang gore ke eme ka fa letlhakoreng lefe. Karabo ya gagwe e ne e le bofefo, e le khutshwane, ebile e tlhamaletse thata - Fa o sa kgone go tswa, o mo letlhakoreng le le senang maatla."
  • "Mme fa e sa le ka nako eo, go batla molelwane e nnile tiro yame ya botshelo jotlhe. Go tlhobaela go a ntela nako le nako fa ke sa kgone go baya mola wa jometeri o o rulaganyang go tlhoka maatla ga me."
    • Chapter, Page 3
  • "Mme ke tiragalo ya seromamowa e e neng ya nthuta thuto ya botlhokwa. Ke ka nako eo Mmè a neng a mpolelela ka tlhokego ya go tlhafuna mafoko ame pele ke a ntsha. O ne a re: ‘Dikolosa lefoko lengwe le lengwe mo lolemeng la gago makgetlo a le supa, o tswaletse dipounama tsa gago thata, pele ga o bua polelo. ‘Ka gonne fa mafoko a gago a sena go tswa, o ka nna wa latlhegelwa ke dilo di le dintsi.’”
    • Chapter 1, Page 10
  • "Go dira masea, monyadi le monyadiwa ba ne ba tshwanetse go apara sentle, ba tsenye dithunya mo meriring mme ba robale mmogo mo bolaong jo bogolo thata. Selo se se latelang o ne o se itse, meso e mentsi moragonyana, go ne go na le leseanyana le le neng le gagaba fa gare ga bone"
    • Chapter 4, page.33
  • "Ka dinako tse dingwe, o ne a bolela gore go kgomarela mo ntlong ya basadi go raya fela gore mosadi o latlhegetswe ke kgololesego ya gagwe ya go tsamaya. Ka dinako tse dingwe, o ne a re ntlo ya basadi ba monna ale mongwe e kaya matlhotlhapelo ka gonne mosadi o ne a tshwanelwa ke go abelana monna wa gagwe le ba bangwe ba le bantsi"
    • Chapter 4, page .34
  • "Mafora ga a golegele basadi ba bone ka fa morago ga mabotla, matsalaake yo o rategang,’ o ne a tle a rialo. 'Ba ne ba ba tlogela ba taboga mo mmarakeng wa lefelo leo, mme mongwe le mongwe o ne a itumela, mme tiro e ne ya wediwa."
    • Chapter 5, page. 42.
  • "Bomme ba tshwanetse go bolelela basetsanyana le basimane ka botlhokwa jwa ditoro,’ Rakgadi Habiba a rialo. 'Di fa kaelo e e nang le tlhaloganyo. Ga go a lekana go gana lelwapa le--o tlhoka go nna le pono ya mafulo a o batlang go le emisetsa ka one.' Mme ke ne ka botsa Rakgadi Habiba, o ne o ka farologanya jang mo gare ga dikeletso tsotlhe tse di neng di go dikaganyeditse, mme wa bona e o tshwanetseng go tlhoma mogopolo mo go yone, toro e e botlhokwa e e neng ya go naya pono? O ne a re bana ba bannye ba ne ba tshwanetse go nna pelotelele, toro ya selotlolo e ne e tla tlhagelela le go thunya mo teng, mme morago ga moo, go tswa mo monateng o o tseneletseng o e neng e go naya one, o ne o tla itse gore ke letlotlo le lennye la mmatota le le neng le tla go naya kaelo le lesedi.
    • Page 214

Dikgokaganyo tsa kwa ntle

[edit | edit source]